Kaga Thusano Trust

Thusano Trust e tlhamilwe ka 2010 e tlhamiwa ke Gold Fields e le sekema sa go thusa bathapiwa go nna le dishere. E ne e naya bathapiwa ba ba mo dikarolong A, B, le C tsa Patterson go nna le sengwenyana mo Gold Fields, e bontsha go lemoga seabe sa bone le go tlhomamisa gore ba kgona go solegelwa molemo ke dikuno tsa diminerale tsa Aforika Borwa.

Ka 2012, fa go ne go nna le Sibanye-Stillwater, bone batho bano ba ne ba newa gape le dishere tsa Sibanye-Stillwater, mme ka 2019 go ne ga tsenngwa gape le dishere tsa Sibanye-Stillwater. Fa ba le botlhe, bathapiwa ba feta 46,000 ba ne ba nna le tshiamelo ya go amogela madi ano go tswa go Trust.

Dishere tseno di ne di tshwerwe ke Trust lobaka lwa dingwaga di le 15. Ka 1 Sedimonthole 2025, dishere di tla bo di tswa — mo go rayang gore ba ba tshwanetseng go newa madi ano a dishere jaanong ba tla kgona go kopa go newa boleng jwa dishere tsa bone. Go simolola ka letlha leno, ba ba tshwanelegang go newa madi a dishere ba tla kgona go:

  • Rekisa dishere tsa bone mme ba bone madi a a seatleng (morago ga lekgetho);
  • Fetisetsa dishere tsa bone kwa baemeding ba bone; kgotsa
  • Ba di dire ka bobedi

Johannesburg Stock Exchange’s Investor Services (JIS) e tlhokomelela baamogela madi a dishere matlole a bone a a mo Trust. Dituelo tsa teng kgotsa go romelwa ga madi kwa akhaontong ya baemedi di tla kgona go tswa go simolola ka 1 Mopitlwe 2026.

Thusano Trust e teng go tlhomamisa gore bathapiwa ba nna le seabe mo dikhumong tse ba thusitseng go di tlhama.

Molanako wa Terasete ya Thusano

Timeline icon 1
1 December 2010

Thusano Trust established. Shares issued to Gold Fields employees (beneficiaries) employed for a month or longer, on Patterson bands A, B and C

2012 and 2019

Thusano Trust beneficiaries receive shares in Sibanye-Stillwater

Timeline icon 3
22 November 2025

Deadline for beneficiaries to decide if they wanted to sell their shares, transfer them to their personal broker, or sell some and transfer others

Timeline icon 4
1 December 2025

Thusano Trust vesting date, when beneficiaries became the owners of their Gold Fields and Sibanye-Stillwater shares

Timeline icon 4
March 2026

Thusano Trust begins making payments and transfers to beneficiaries, after deducting tax and fees