Go ka direga gore o bo o tshwanelega go amogela madi a a ntshiwang ke Thusano Trust fa dintlha tsotlhe tse di latelang di go ama ka 1 Sedimonthole 2010:
- O ne o berekela Gold Fields (e e mo Aforika Borwa) kwa dikarolo A, B, kgotsa C tsa Patterson lobaka lwa malatsi a le 30 kgotsa go feta; e bile
- O ile wa amogela dishere fa o ne o di rekisetswa ka nako eo.
Ela tlhoko: Bathapiwa ba ba neng ba tlogedisiwa tiro magareng ga Tlhakole 2009, le 1 Sedimonthole 2010 le bone ba ne ba akarediwa.
Tsela e o tlhomamisang ka yone gore o mo boemong bofe

Ka inthanete (mokgwa o o bonako thata)
- Ya kwa phothaleng ya JIS: https://investecss.co.za/thusano/account/logon
- Tsena ka nomoro ya gago ya mothapiwa kgotsa nomoro ya gago ya ID.
- Fa e le gore ga o ise o ke o tsene, latela ditaelo tse o di newang mme o arabe dipotso tsa tshireletso gore o bone porofaele ya gago.

Ka mogala
- Leletsa JIS:
- 086 125 5525 kgotsa 086 143 3659
- Mosupologo go fitlha ka Labotlhano: 08:00 – 19:00; Ka Matlhatso: 09:00 – 14:00
- “Please Call Me”:
- Romelela 083 680 0079 (ba tla go founela gape mo lobakeng lwa diura tse 24 mo gare ga beke)
- Ka kwantle ga Aforika Borwa:
- +27 11 713 0000 kgotsa romela Molaetsa
- go +27 83 680 0079 gore o boe o leletswe gape

Ka USSD
- Leletsa *120*1138# mo selulafounong ya gago go tlhola tshedimosetso ka dishere tsa gago (fa e le gore o na le nomoro ya ID ya Aforika Borwa)

Ka imaile
- Romela dintlha tsa gago le dipotso go: thusano@jseinvestorservices.co.za

Ka bowena
- Etela ofisi e e gaufi le wena ya Teba gore ba kgone go go thusa ka namana – badiri ba koo ba kgona go go thusa go tlhomamisa boemo jwa gago
- tobetsa fano fa o batla go bona lenaane la diofisi tsa TEBA
Fa o sa amogele melaetsa (kgotsa o ise o ke o e amogele)
O sa ntse o ka nna wa tshwanelega. O ka simolola go tlhotlhomisa ka seno o dirisa epe ya ditsela tse di fa godimo. Fa go kgonega nna o na le epe ya tse di latelang mo go wena:
- Id/phasepoto ya Aforika Borwa, nomoro ya mothapiwa, dintlha tsa go ikgolaganya le wena tse o di dirisang gone jaanong le dintlha tsa banka
- Fa e le gore o tleleima mo boemong jwa motho yo o tlhokafetseng yo o neng a tshwanetse a newa madi ano: ID ya moswi, bosupi jwa fa a neng a abetswe gone (fa bo le teng), setifikeite sa loso, le makwalo a go supa gore ke wena yo o tshwanetseng go abela ba bangwe boswa (fa bo le teng)
Matlha a botlhokwa

Letlha la ditlhopho: 22 Ngwanatsele 2025 (re bolelele gore a o tla rekisa, o tla fetisetsa kwa go yo mongwe, kgotsa o tla di dira ka bobedi)

Letlha la go newa dishere:
1 Sedimonthole 2025 (bokhutlo jwa dingwaga tse 15)

Go simolola dituelo / go romelwa ga madi: 1 Mopitlwe 2026
Fa o sa kwala gore o tlhopha eng ka letlha le le beilweng la di 22 Ngwanatsele 2025, se se rulagantsweng gore se direge go le gale ke gore dishere tsa gago di tla rekisiwa morago ga go ntshiwa ga tsone mme madi (morago ga makgetho le dituediso) a tla duelwa kwa akhaontong e o e kwadisitseng ya banka morago ga 1 Mopitlwe 2026. Tlhomamisa gore o tlhola le JIS gore tshedimosetso ya go ikgolaganya le wena le ya banka di siame, o dirisa ditsela tse di fa godimo.
NTLHA YA BOTLHOKWA
Itshireletse mo go ba ba tsietsang
Go le ba Thusano Trust kgotsa ba JSE Investor Services (JIS) ga ba na go go kopa gore o ntshe madi mangwe gore o bone madi a gago kgotsa gore go fetisetswe dishere tsa gago kwa moemeding.
Go tla duelwa fela makgetho a a batliwang ke molao le madi a a tlwaelegileng a go tsamaisa dilo mo ofising (a a tla bong a berekwa ke Trust/JIS). Fa o belaela, ikgolaganye le JIS mo dinomorong tse di fa godimo.
- Tlhola seemo sa me mo Phothaleng ya JIS
- Kopa go founelwa gape
- Batla ofisi ya Teba
- Romela imeile ya go nthusa
Tlhopha se ke se tlhophang
Ka 1 Sedimonthole 2025, go tswa dishere tsa gago mo Thusano Trust. Ba ba tshwanelegang go amogela madi ano ba nnile le sebaka sa go swetsa gore ba batla go dirang ka tsone, mme ba bolelele Trust ka 22 Ngwanatsele.
Ditlhopho tsa gago tse tharo e ne e le

Rekisa dishere tsa gago — amogela madi a kheshe (morago ga gore o ntshiwe lokgetho le madi a mangwe) mo akhaontong ya gago ya banka.

Romela dishere tsa gago — di tsenye mo akhaontong ya moemedi mongwe yo o mo tlhophang morago ga gore go ntshiwe lekgetho le go duela madi a mangwe.

Di dire ka bobedi — rekisa dingwe, o romele tse di setseng kwa akhaontong nngwe.
Ditlhopho 2 le 3 o ne o ka kgona go:
- a ka duela karolo ya lekgetho go sale gale a bo a itse gore dishere ke tsa gagwe;
- kgotsa a ka rekisa dingwe tsa dishere go duela lekgetho le ditshenyegelo, se se rayang gore dishere tsa bone tse di fetisitsweng di tla nna kwa tlase ga selekanyo sa kwa tshimologong, e leng, se se salang morago ga go duela lekgetho le disuga.
Tsela ya go tlhola dishere tsa gago le dintlha tse dingwe
Lefa nako ya go tlhopha e setse e fetile, o sa ntse o ka kgona go tlhola seteitemente sa gago go bona gore o na le dishere tse kae, o bo o tlhomamise gore tshedimosetso ya go ikgolaganya le wena le ya banka di siame. O ka dira seno ka ditsela di le mmalwa:

Ka inthanete
- Tsena mo porofaeleng ya gago ya JIS: www.investecss.co.za/thusano/account/logon
- Dirisa nomoro ya gago ya go thapiwa kgotsa nomoro ya ID go tsena mo akhaontong ya gago.
Bala ditaelo go tlhomamisa gore o tsere dikgato tsotlhe tse di tlhokang go tsewa le gore o ntshitse tshedimosetso yotlhe e e tlhokegang.

Ka mogala
- Leletsa JIS: 086 125 5525 kgotsa 086 143 3659 (baemedi ba ka kgona go go thusa ka puo e o e tlhophang).
- Mosupologo go fitlha ka Labotlhano: 08:00 – 19:00; Ka Matlhatso: 09:00 – 14:00
- Romela “Please Call Me” go 083 680 0079 (ba tla go founela mo lobakeng lwa diura tse 24).
- Ka kwantle ga Aforika Borwa:
- +27 11 713 0000
- kgotsa romela SMS go +27 83 680 0079 go kopa gore o founelwe.

Ka USSD (ka nomoro ya ID ya Aforika Borwa)
- Leletsa *120*1138# mo selulafounong ya gago gore o kgone go tsena mo tshedimosetsong ya dishere tsa gago

Ka imeile
- Romela dintlha tsa gago le kopo ya gago ya go dira tlhopho go thusano@jseinvestorservices.co.za.

Ka bowena
- Etela ofisi e e gaufi le wena ya Teba, moo badiri ba teng ba tla kgonang go go thusa.
- Bona lenaane la diofisi tsa TEBA fano
Tlhola dintlha tsa gago
Ba ba sa tlhophang tsela e ba ratang go newa madi a bone ka yone, ba tla amogela madi a kheshe morago ga gore go gogwe a lekgetho le dituediso tse dingwe morago ga gore dishere tsa bone di rekisiwe (go simolola ka Mopitlwe 2026), tlhomamisa gore tshedimosetso ya gago ya banka e siame. Eno ke akhaonto e madi a gago a tlileng go duelwa mo go yone.
Dikgato tse di latelang
- Go tswa ga dishere: 1 Sedimonthole 2025
- Dituelo/go romelwa ga madi go simolola: 1 Mopitlwe 2026
- O tla amogela setifikeite tsa lekgetho fela fa madi a gago a se na go duelwa kgotsa a se na go romelwa
Dintlha tse di botlhokwa go di gakologelwa
- Go le ba Thusano Trust kgotsa JSE Investor Services (JIS) ga ba na go go kopa go ntsha madi mangwe gore o bone madi a gago kgotsa go fetisetsa dishere tsa gago kwa moemeding.
- Go tla duelwa fela makgetho a a batliwang ke molao le madi a a tlwaelegileng a go tsamaisa dilo mo ofising (a a gogwang ka go itiragalela fela).
- Fa o belaela gore go na le tsietso nngwe e e diregang, e bege ka bonako ka go founela lephata le le tlamelang ka thuso kgotsa