Tsweetswee bala tshedimosetso e e latelang gore o itse ka dipolokelo, dipeeletso, go dira bajete, le dintlha tse dingwe tsa go go tlhaba botlhale ka tsela e o laolang madi a gago ka yone.
Ithute o bo o gole
Trust ga e dire fela ka dishere — gape e thusa go aga kitso ka isagwe.

Dintlha tsa motheo tsa dipolokelo le dipeeletso
Go boloka madi go raya go baya madi mangwe sentle a o tla a tlhokang mo pakeng e khutshwane (ka sekai, mo akhaontong ya banka). Go beeletsa go amana le go dirisa madi gore a gole fa nako e ntse e ya — gantsi go na le dikotsi tsa gone, mme gape go ka direga thata gore o bone dipoelo tse dintsi.
- Polokelo = pabalesego + go a bona bonolo. A molemo ka dinako tsa maemo a tshoganyetso.
- Go beeletsa = kgolo + bopelotelele. Go molemo fa o ipeetse mekgele ya paka e telele jaaka thuto kgotsa go rola tiro.
Tlhabobotlhale: Simolola ka go kopanya — ka metlha baya madi a o ipolokelang one a maemo a tshoganyetso o bo o akanya ka go beeletsa se o ka se kgonang go se godisa.


Go tlhaloganya dishere le dituelo
Dishere ke go nna le sengwe se se reng wena mo setlamong. Fa o na le dishere, go raya gore o na le karolo nngwe ya kgwebo eo.
- Fa setlamo se dira morokotso, se ka nna sa duela madi mangwe — karolo nngwe ya morokotso oo — go a naya beng ba dishere mo setlamong seo.
- Dishere gape di kgona go rekisiwa: fa tlhwatlhwa ya dishere e ya kwa godimo, seno se ka go thusa go nna le mo gontsinyana. Fa e ya kwa tlase, o ka nna wa latlhegelwa ke boleng jwa tsone.
Dishere tsa Thusano Trust di neile ba ba tshwanetseng go newa madi dilo tseno ka bobedi: madi mangwe mo lobakeng lono lwa dingwaga tse 15 le gone jaanong, ka nako ya go ntshiwa ga dishere, sebaka sa go rekisa kgotsa go romela dishere tsa bone.

Dintlha tsa go go tlhaba botlhale ka madi a gago
Go nna le mekgwa e mentle ya madi go dira gore o tlhomame:
- Bajete: Kwala lotseno lwa gago le ditshenyegelo tsa gago — itse kwa madi a gago a yang gone.
- Tlhokomela dirai tsa go dira dikoloto: Nna kelotlhoko mo mading a o a adingwang a a nang le morokotso o o kwa godimo le mo dikolotong kwa mabentleleng.
- Ipolokele madi ka metlha: Tota le madinyana a mannye a fetoga go nna mantsi fa nako e ntse e ile.
- Rulaganya go sa le gale: Beela madi kwa thoko go duelela madi a sekolo, maemo a tshoganyetso, kgotsa go rola tiro.
- Sireletsa se o nang le sone: Tlhomamisa gore dintlha tsa gago tsa banka ga di bonwe ke batho botlhe mme o nne kelotlhoko gore o se ka wa tsiediwa.

Lenaane la Mafoko le Tlhaloso ya One
Mafoko a a amanang le madi a ka tlhakanya tlhogo. Tsela e e bonolo ya go go kaela ke eno:
- Moamogeladituelo — motho yo o amogelang madi mangwe go tswa go Trust.
- Tuelo — madi a a duelwang beng ba dishere a a tsewang mo mading a lotseno.
- Moemedi — motho yo o nang le kitso yo o nang le dikwalo mo tirong eno, yo o go thusang go reka, go rekisa, kgotsa go tshwara dishere.
- Go ntshiwa ga dishere — fa o kgona go newa dishere tsa gago morago ga lobaka lo lo rileng lwa go leta.
- Kaelo ka tsa lekgetho — taelo go tswa go SARS malebana le gore go tshwanetse ga gogwa madi a a kana kang a lokgetho go tswa mo mading a o a duelwang.
- Se se rulagantsweng gore se direge go sa le gale — se se diregang ka go itiragalela fela fa o sa tlhophe (ka Thusano Trust: go rekisiwa dishere mme go duelwa madi a a seatleng).

BEE le go Nna le Dishere
Thusano Trust e tlhametswe go naya Maaforika Borwa a a Kileng A bo A Gateletswe sengwenyana ka tlhamalalo mo ditlamong tsa meepo. Eno ke karolo ya Maatlafatso ya Ikonomi mo Bathong ba Bantsho (Black Economic Empowerment [BEE]), thulaganyo ya bosetšhaba ya go baakanya go tlhoka tekatekano ga nako e e fetileng le go tlhomamisa gore batho ba le bantsi ba solegelwa molemo ke dikuno tsa Aforika Borwa.
Ka go nna le dishere, ba ba tshwanelegang go newa dituelo ba na le:
- Dituelo tse di bonweng ka Paka ya Trust.
- Ditshwanelo tsa go bouta jaaka batho ba ba nang le dishere.
- Jaanong, sebaka sa go rekisa kgotsa go boloka dishere morago ga gore dishere di ntshiwe.
Seno ga se amane fela le gore motho a itshologele molemo — ke karolo ya go aga ikonomi e e akaretsang batho botlhe le e e sa gobeleleng.

Go beeletsa ka tsela e e thusang
Bona metswedi ya tshedimosetso e e bonolo go e dirisa gore e go kaele
Ela tlhoko: Tshedimosetso eno ga e akaretse maitlhomo a gago, maemo a gago a tsa madi, kgotsa ditlhoko tsa gago mme ga wa tshwanela go ikaega ka yone o bo o tlogela kgakololo ya ba ba nang le kitso ka kgang eno.












